Jump to content

Wq/tn/Ene Franca Idoko

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Ene Franca Idoko
Ene Franca Idoko at the 2008 Summer Olympics - Womens 100m Round 2

Ene Francisca " Franca " Idoko-Isaac (otshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le botlhano,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe,masome a robabobedi le metso e metlhano ( 1985), kwa Benue State) ke motshameki wa motshameko wa lebelo wa kwa Nigeria yo o itsegeng ka go taboga sekgala sa dimetara di le lekgolo.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • Mmè o sa Ntse a Ntlhotlheletsa .
  • Ke ne ka se ka ka kgona go ya kwa dikgaisanong tsa lefatshe mme motse wa gaetsho o ka bo o ile wa itumelela go mpona ke taboga ka gonne ke nna kwa Jeremane. Gape ba ne ba sa mpone mo setlhopheng sa ba ba neng ba tla re thusa ka gonne setlhopha sa rona se ne sa se ka sa atlega kwa Berlin. Ga ke re ke motshameki wa maemo a a kwa godimo mo Nigeria mme fa nkabo ke le teng mme bangwe ba rona ba ba neng ba siana kwa Diolimpiking le bone ba ne ba le teng, re ka bo re nnile le tlhotlheletso e kgolo.
  • Ke ne ke tle ke lebelele kgaisano nngwe le nngwe mo go Skysports go bona gore baatlelete ba taboga nako e kana kang le go bona gore a nako eo ga e fete e nna nka e tabogang. Ba ne ba taboga sentle ngogola mme ga go na ope yo o neng a taboga ka bonako mo basading ba kwa Nigeria, go farologana le ka ngwag awa dikete tse pedi le metso e robabobedi (2008) fa ke ne ke taboga. Mo ngwageng oo Damola o ne a taboga ka metsotswana e le 11.08 e leng lobelo lo lo kwa godimo thata mme ngwaga o o fetileng o ne a taboga ka lobelo lo lo kwa godimo thata ka metsotswana e le 11.16. Go ne go le molemo mme se ba neng ba se taboga kwa Yuropa, Amerika le Jamaica se ne se le bonako; ba ne ba re naya nako ya go ba latela ka gonne Carmelita Jeter wa kwa U.S. o ne a taboga ka lobelo lwa 10.6 e leng lobelo lo logolo thata. Ba-Afrika ba ne ba sa dire sentle mme lefa go ntse jalo re a ba sala morago.
  • Ga ke itse gore go diragetse jang mme ke ne ka swabisiwa thata ke gore e tswa mo diatleletiking tse o neng o sa lebelela gore di ka dirisa diokobatsi. Ke ba utlwela botlhoko mme ke a itse gore go na le dilo di le mmalwa tse di ka bong di dirile gore ba dire jalo. Ka dinako tse dingwe ga se molato wa baatlelete mme ga ke kgothaletse diokobatsi. Fa e le gore ba a go dira e bile ba a go itse, ba tshwanetse go lebana le ditlamorago tsa gone. Ke matlhotlhapelo fela; motabogi wa lebelo le legolo (Gloria Kemasuode) le ene o amilwe ke bolwetse jono mme o siame. Rotlhe re tlile go mo tlhologelelwa. Ke ba utlwela botlhoko tota ka gonne ga ke akanye gore ba mo kgatelelong.
  • Fa o tlogela metshameko ya diatleletiki, le yone e a go tlogela. Ke ne ke simolola go nna setshwakga ka gonne eno ke nako ya go aga go tloga ka September go ya go December mme go fitlha jaanong go ntse go le monate, sengwe le sengwe se ntse se le monate. Ke na le mokatisi mongwe kwa Jeremane yo o bidiwang Frank Duka yo o nkakanyetsang thulaganyo. Le rona re na le mokgweetsi kwa Nigeria yo re mo dirisang nako le nako fa re le teng. Opeyemi Olus, Franca o boile morago ga malatsi a gagwe a boikhutso a boimana, mme Doha le yone e ka nna teng, Athletics.
  • Ga go motlhofo ka gonne go tshwana fela le fa o le kwa sekolong o leka go bala le go falola ditlhatlhobo tsa gago o sa sale morago. Ngwaga le ngwaga go nna le batho ba basha mo metshamekong ya diatleletiki ka jalo ke tshwanetse go ikatisa thata mme ke bone gore ke mang yo o tla fenyang mo go yone monongwaga. Ke ne ka taboga sentle ka ngwaga wa dikete tse pedi le metso e robabobedi (2008) mme ke solofela go dira jalo le monongwaga (2010). Ke a itse gore ga go kitla go nna motlhofo mme ke tshwanetse go boela kwa go yone, go ipolelela gore nka kgona go e dira.
  • Balaodi ba rona ba senya motshameko ono. Re tshwanetse go tlhaloganya gore ga o ka ke wa roba mo o sa jalang teng. Ke maswabi go go bolelela seno, mme re dumela thata mo mokgweng wa setlhopha sa batimamolelo. Metshameko e a nyelela mo Nigeria ka gonne balaodi ba rona ga ba dire se ba tshwanetseng go se dira. E ne e le teng ka nako ya rona mme e ne e le botoka. Gone jaanong go maswe thata.
  • Ke boikutlo jo bo molemo tota go bo re ne re na le sekgele sa boronse pele mme jaanong re na le sa selefera, ke solofela gore ba tla re naya dikgele tsa selefera mo bogautshwaneng. Tota le fa re ne ra boa ka seetsele sa boronse ka ngwaga wa dikete tse pedi le metso e robabongwe (2008), ga re a ka ra dumedisana ka diatla kgotsa go amogela molaetsa wa ditebogo mme ke leboga Modimo gompieno go bo jaanong ke kgona go bidiwa motshameki wa metshameko ya di-Olympic yo o fentseng metale wa selefera. Seo ke sone se se itumedisang ka tiragalo eno yotlhe mme go ka bo go nnile botoka fa kgaisano ya dimetlele tsa selefera e ka bo e neetswe ka tlhamalalo mo seraleng.

Dikgolagano tsa kwa ntle

[edit | edit source]